Molimo Wa Boikanyo


Modimo wa boikanyo
Re ikanya mo go wena
O gogile boraetsho
Mo dinageng tsa lenyora

Mme re lopa ka tlhoafalo
Matshego a ba a bonyeng
O nne Modimo wa rona
Mothusi mo tshikatshikeng

Mo ditseleng tsa botshelo
Goga dikgato tsa rona
Re tle re fitlhe kwa o teng
Legaeng je re le batlang

Re femele mo diphatseng
Re se digelwe ke sepe
Re nee se re se tlhokang
Dijo le tse di aparwang

Thuso e re a e lopa
Mo botlalong jwa gago Rra
Mme re tla go itshenkela
Re go direle ka metlha

Re go direle ka metlha

The most viewed

A M E Church Africa songs in June